Retshwanetse go golaganya dilo tsa maloba go tsa se gompieno gore re kgone go bontsha diphetogo tsa mothomontsho wa se gompieno.
Steve Biko
Gore Lefatshe le tswele pele, ga le dirwe fela ke maatla a bagaka, fela le tsweletswa gape ke kgorometso ya palo gotlhe ya modiri mongwe le mongwe yo o ikanyegang.
Helen Keller
Motho o lemoga bontsi jwa makgabana(dithabana) a a tshwanetseng go a pagama, fela fa a sena go pagama lekgabana le le boitshegang.
Nelson Mandela
  LE GAE   Ditiragalo   Merafe   Dikgosi   Setso le Ngwao   Thuta Puo   Bakwadi
  Mmino   Ditshwaelo   Kitso kakaretso   Temothuo   Bodumedi   Metse   Dikgwedi
  Nna le Wena   Tsa Pholo   Dipotso   Ditebogo   Tse dingwe   Tsa Puso   Bagwebi

THUTA PUO

Tiriso ya lefoko le le lengwe boemong jwa thadiso

Kwa bokhutlong jwa thuto e, re tshwanetse:
1. go kgona go dirisa lefoko le le lengwe boemong jwa thadiso;
2. go itse botlhokwa jwa go emisetsa thadiso ka lefoko le le lengwe.

Mo polelong re tshwanetse go tlhomamisa gore lefoko le le tlhagisang ka tsepamo bokao jo bo ikaeletsweng fa go buiwa ka pula, a ke medupe kgotsa mosarasarane. Ka jalo a re itlwaetse go lebelela pele le go batla lefoko le le kayang se re buang ka ga sone.
    Mo puisanyong e e tlwaelegileng fela ga re nke re itshwenya ka palo ya mafoko a re a dirisang. Fela, fa o simolola go kwala dikakanyo tsa gago, o tshwanelwa go bona gore o dirisa mafoko a a lekanetseng. O tshwanetse go tlhagisa dikakanyo tsa gago ka boripana/bokopana jo bo kgonagalang, mme o sa latlhe bokao jwa tsona. mafoko a mantsi mo go sa tlhokegeng a na le go ka tlhakatlhakanya go kwala ga gago. Mokgwa o mongwe wa go fokotsa mafoko a rea adirisang ke go batla lefoko le le losi boemong jwa thadiso.
    Thadiso e na le mafoko a se kae, mme ga e re bolelele sepe go feta se lefoko le le lengwe le se re bolelelang. Ka jalo go botoka go tlhoka lefoko le le lengwe fa, gonne se, se tlhalosa maemo a nonofo ya rona ya go kwala.
Sekaseka dikao tse di lateng:

  1. Motho yo o sa kgoneng go bua o emisa diatla.
    Semumu se imisa diatla.
  2. Nama e e omisitsweng e monate.
    Segwapa se monate
  3. Mosadi yo o tlhokafaletsweng ke monna o tlhomola pelo.
    Motlholagadi o tlhomola pelo.
  4. Ngaka e e ntshang meno a a bodileng e thusa batho.
    Rameno o thusa batho.
  5. Motho yo o nnang a le phepa ka gale o a itumela.
  6. Sethakga se a itumela.

Re nagana gore o tla dumalana le rona gore go dirisa lefoko, go na le thadiso, ga go boloke nako le sebaka fela, gape go tokafatsa go kwala ga gago thata.
    Mokgwa wa tiriso ya lefoko le le lengwe boemong jwa thadiso o mosola ka ntlha ya fa o:
  • Somarela tiriso ya mafoko;
  • bokao bo tlhagelela sentle, moreetsi ga a iteege tsebe ke tiriso e ntsi ya mafoko;
  • somarela nako-tota le madi mo tirong ya go tlanya.
Tiriso ya lefoko le le lengwe boemong jwa thadiso e bonala gantsi mo didirisweng,jk.
thobane e e phothang < mootlwana
letlapa le le silelang < lelwala

Segarona Mophato wa 9 (586-587)


Dikwalo (Padi)

Maikaelelo a thuto e, ke go tlhagisa mefuta mengwe ya dipadi gore re tle re kgone go tlhaloganya le go lekanyetsa mofuta wa padi fa re e buisa.

Padi ke porosa ya boitlhamedi jo e leng setheo sa botshelo jaaka re bo itse se se tlhagisiwa ka mokgwa wa kanelo. Go ya ka diteng tsa dipadi, re ka tlhopolola mefuta e ya tsona:

  1. Tsa hisitori;
  2. Tsa selegae (sekatlatlelo-loago);
  3. Tsa bofokisi le
  4. Tsa botsibosi.
Go ntse go lo foo, re di aroganya gape go ya ka kamano le bonnete, mme re nne le dipadi tsa netefatso le tsa boitlhamedi, tse e seng netefatso.
  Re ka lemoga se ka dipadi tsa hisetori tse e leng gore di tlhagisa ditiragalo tse di rileng tsa nnete. Re ntse re gopola go re mokwadi mongwe le mongwe o na le boipopedi mo botaking jwa gagwe, mme o na le gona go dirisa go kwala ka dilo tse di iseng di ke di diragale. Mopadi ga se mogasi wa dikgang kgotsa mophasalatsi yo o begang se a se boneng ka matlho. Mopadi o itshetlega ka boipopedi jwa monagano wa gagwe. Tlhagiso ya gagwe ya ditiragalo ga e a lebisa fela mo pegong, mme e totile tota go senola kgatlhego e e tseneletseng ya matshego a botshelo jwa setho le tsamaiso ya jona. Ka jalo mo pegong ya ditiragalo tsa hisetori, mopadi go le gantsi o na le maikaelelo a go rarabolola bonnete fa a tlhagisa dintlha tsa botlhokwa tsa kanelo ya gagwe.
  D.P. Moloto o re latlheletse ka ga hisetori ya setšhaba sengwe sa Bakwena ba Mosita mo go Mokwena, fa mo go Moji-motlhabi a lekile go re senolela puso ya kgosi ya Bakhudung e e setlhogo, mme bosetlhogo jwa yone bo feleleditse bo nyeleditse morafe.
  Legae Botshabelo ya ga L.D. Raditladi le yone e re senolela kgakgautlhano ya segosi sa Sengwato, e leng go lwela bogosi.
  Dipadi tsa hisetori ke botaki jwa botlhami jo bo ka akaretsang setso le meetlo ya rona mmogo le kgatlhego e e tseneletseng mo ditirong tsa magosi mangwe.

  Padiselegae (sekatlaatlelo-loago) e mekamekana le boloago jwa baanelwa. Boloago jo e ka nna jwa selegae kgotsa jwa setoropo kgotsa motswako wa bobedijo. Bontsi jwa dipadi tsa rona bo dirana le mathata a a tlhagelelang mo thefosanong ya botshelo jwa selegae le jwa setoropo. Go tlhagelela mathata a setso le meetlo e e tlhotlheletsegang ka ntlha ya tlhabologo ya bophirima. Bodumedi jwa boditšhaba jwa setso mmogo le tumelo ya Sekeresete le tsone di na le tlhotlheletso mo meetlong le setso sa Batswana.
    Dikao-thwi tsa bopadi jwa selegae ke tshenolo ya matshego a tsa lerato; bosaitshetlelang jwa malapa jo bo bakwang ke bokoa jwa mongwe wa batsadi kgotsa mongwe wa bana. Dingwe ke tsa bokgoreletsi jwa setsadi mo manyalong a bana ba bone kgotsa tota e bile mo go tlhopheleng bana balekane; dikgogakgogano ka ga botshelo jwa maloba le jwa segompieno, mmogo le thutlathutlano ka ga bodumedi. Bopadi jo bo boa bo nna le dikao gape tsa masetlana a botshelo jwa setoropo; bokebekwa; bobolai; tsuololo-molao; ditsuatsue tsa botshelo jwa motho ka sebele le jwa bosetšhaba jo bo laolwang ke bathati ba ba sa botsolotsweng; le kgolo le tswelelopele mo loagong lo lo gatelelang.
    Dikao tse di dirisitswe ke bapadi ba rona ka bontsi. D.P.S. Monyaise o dirile go tlala diatla mabapi le ditsuatsue tsa botshelo mo go Marara, Go ša baori; Bogosi kupe; Ngaka, Mosadi Mooka; Omphile Umphi Modise. S.J.J. Lebethe a latlhela ga tshwene ka ga morabaraba wa lerato la bašwa mo go Mosele le Morabaraba. Ee, re bona tshwaetso ya botshelo jwa setoropo mo mothong jaaka e tlhagisiwa ke M.T. Mmileng mo go Mangomo le Lehudu, le R.M. Malope mo go Matlhokomatlhoko.
  D.P. Moloto mo go Motimedi a latlhela mabapi le tsa bokebekwa, botsuolodi, bosenyi le bofokisi mo pading ya bofokisi. L.D. Raditladi ga a itshia morago ka padi ya gagwe, Mokomaditlhare a ntsea engwe nokeng ke D.P. Moloto ka Manyobonyobo. fa o ka lebelela dikao tse, o tla lemoga bo nnete jwa se se umakilweng fa godimo fa.
    Go mofuta gape wa padi o o bapileng le o wa bofokisi, e leng padi ya botsibosi (thriller). Mo pading ya mofuta o mopadi o akgaakga megopolo ya babuisi ka ditiragalo tsa borukhutlhi le bobolai, tse kgangkgolo mo go tsone e leng patlisiso le ipusolosetso. Masaikategang a magodimo ya ga J.M.K. Mekgwe ke sekao se se fa gaufi. Fa re bona moanelwa khuduga a phela le go gola ka pelo e e botlhoko ya go batla go ipusolosetsa loso lwa ga rraagwe, Bra White yo o neng a bolailwe ke Rankelenyana. Khuduga o ithutela bofokisi e se ka go rata, mme e le gore a tsome a bo a upolole Rankelenyana go ipusolosetsa loso lwa ga rraagwe. Botsibosi mo ke fa menagano ya babuisi e akgaakgega gore a gone Khuduga o ya go atlega.

Segarona mophato wa 9. (221-223)

Tlhalefang Communications © 2009. Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatise cell: 078 336 9482 molokwanet@yahoo.com